close

Вход

Log in using OpenID

embedDownload
NATIONAL
SENIOR CERTIFICATE
MOPHATO 12
SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL)
PAMPIRI YA NTLHA (P1)
NGWANAITSEELE 2013
MADUO: 80
NAKO: 2 diura
Pampiri e, e na le ditsebe di le 12.
Kwalololo e ileditswe
Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1
2
NSC
DBE/Ngwanaitseele 2013
DITAELO
1.
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
KAROLO YA A:
KAROLO YA B:
KAROLO YA C:
Tekatlhaloganyo
Tshosobanyo
Tiriso ya puo
(30)
(10)
(40)
2.
Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko.
3.
Araba dipotso TSOTLHE.
4.
Simolola karolo NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA.
5.
Dinomoro tsa dikarabo di tlhagelele jaaka di ntse mo pampiring ya dipotso.
6.
Tlogela mola mo magareng ga dikarabo tsa gago.
7.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
8.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
9.
Nako e e tshitshinngwang:
KAROLO YA A:
KAROLO YA B:
KAROLO YA C:
Kwalololo e ileditswe
Tekatlhaloganyo: 45 metsotso
Tshosobanyo: 20 metsotso
Tiriso ya puo: 55 metsotso
Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1
3
NSC
DBE/Ngwanaitseele 2013
KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO
POTSO 1
1.1
Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso.
TEMANA A
Ka kgwedi ya Phukwi 2012 Aforika-Borwa e ne ya nna e nngwe ya dinaga tse
di neng di tsaya karolo mo metshamekong ya Diolimpiki e e neng e
tshwaretswe kwa London. Balatedi ba metshameko ba ne ba supa lorato ka
go kgatlhantsha batshameki kwa boemelafofaneng ba O.R.Tambo. Tona ya
tsa metshameko rre Fikile Mbalula o ne a bontsha boitumelo le kgatlhego fa a
ne a naya batshameki dikabelo go tlotlomatsa seo ba se diretseng naga ya
Aforika-Borwa kwa London.
Aforika-Borwa e ne ya kgaolwa mo metshamekong e ka ntlha ya tlhaolele, ka
ngwaga wa 1964 fa metshameko e, e ne e tshwaretswe kwa Tokyo. Mafatshe
a ne a boela a amogela Aforika-Borwa kwa Seoul mo lefatsheng la Borwa jwa
Korea ka ngwaga wa 1988. Batshameki ba Diolimpiki ba ba sa itekanelang
mo mebeleng ba ne ba kgaolwa ka 1976. Tiragalo e, e ne ya dira gore
batshameki le barati ba metshameko ba nne maphata a le mabedi. Zola Budd
e ne e le moagi mo Aforika-Borwa yo o tumileng ka go siana, mme o ne a
lemoga gore o latlhegelwa ke tšhono ya go tsenela dikgaisano tsa lobelo tsa
Diolimpiki. Zola Budd o ne a tsaya lekwaloitshupo la Amerika gore a tle a
kgone go tsweletsa talente ya gagwe pele.
Go ne ga nna botoka fa mafatshe a simolola go fokotsa thupa e ba neng ba
otlhaile Aforika-Borwa ka yona. Aforika-Borwa e ne ya retelelwa ke go fenya
metshameko kwa St. Lucia. Morago ga dingwaga di le nne ke fa Reggie
Walker a fenya dikgaisano tsa lobelo lwa dimetara di le lekgolo (100 m) kwa
London mme a bona mentlele wa Gouta le Selefera, Charles Hefferon, ena, o
ne a bona maemo a bobedi. Aforika-Borwa e ne e na le dimentlele di le
masomeamatlhano le bongwe (51) pele e kgaolwa mo metshamekong. Ka
1920 Aforika-Borwa e ne ya bona dimentlele di le lesome kwa Antwerp mme
seno sa e baya mo maemong a lesome le bongwe (11). Batshameki ba ba
beileng Aforika-Borwa mo maemong a, ke Bevil Rudd mo lobelong lwa borre
lwa dimetara di le makgolo a mane (400 m), Clarence Walker mo maboleng le
Louis Raymond mo motshamekong wa thenese.
Aforika-Borwa e tsere karolo lwa bofelo mo metshamekong e, ka 1960 kwa
nageng ya Roma mme ya boela gape e tletse mafolofolo ka ngwaga wa 1992
kwa Barcelona. Elana Meyer o ne a siana lobelo lwa bomme lwa dimetara di
le dikete di le lesome (10 000 m), Wayne Ferreira le Piet Norval ba ne ba
ntsha ga tshwene mo motshamekong wa thenese mme ba gapa dimentlele di
le pedi tsa gouta.
Kwalololo e ileditswe
Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1
4
NSC
DBE/Ngwanaitseele 2013
Ka ngwaga wa 1996 le 2000 Aforika-Borwa e ne ya supa bokgoni ka go gapa
dimentlele di le tlhano kwa metshamekong ya Sydney le Atlanta, fa ka 2004
ba ikgapetse dimentlele di le thataro kwa Anthens. Metshameko kwa Beijing e
ne ya tshwarwa ka ngwaga wa 2008 mme batshameki ba le 156 ba ne ba
retelelwa ke go fenya kwa ntle ga Tshepo Mokoena yo o kgonneng go bona
mentlele wa selefera mo motshamekong wa go tlola. Penny Heyns o ne a
ikgapela dimentlele di le pedi tsa gouta mo motshamekong wa go thuma.
Josiah Thungwane o ne a bona mentlele o le mongwe mo lobelong lwa
marathone.
Aforika-Borwa e ne e na le dingwaga di le lesome le borobedi (18) e tsenela
metshameko ya Diolimpiki. Dingwaga di le supa tse Aforika-Borwa e di ntseng
e sa tsenele dikgaisano ga di a ka tsa dira gore batshameki ba ineele e bile
gape ba tlhoke le kgatlhego. Batshameki ba lekile ka bojotlhe le botswapelo
go emela naga ya bona mo metshamekong yotlhe ka go farologana.
[E fetoletswe go tswa go Lokwalodikgang lwa New Age, 19 Phukwi 2012]
1.1.1
Naya leina la lefelo leo metshameko ya Diolimpiki tsa 2012 e neng
e tshwaretswe kwa go lona.
(1)
1.1.2
Balatedi ba metshameko ba bontshitse tshegetso ya Diolimpiki
jang?
(2)
1.1.3
Goreng Aforika-Borwa e ne ya kgaolwa mo metshamekong?
(2)
1.1.4
Ditlamorago tsa go kgaolwa ga Aforika-Borwa mo metshamekong
e nnile dife?
(2)
1.1.5
Naya maina a le MABEDI a bafenyi ba metshameko ya kwa
Barcelona.
(2)
1.1.6
Penny Heyns o itsege ka motshameko ofe?
(1)
1.1.7
A go ne go siame gore Aforika-Borwa e ilediwe go tsena mo
dikgaisanong tsa Diolimpiki? Tshegetsa ka lebaka.
(2)
1.1.8
Aforika-Borwa e ne e ipela ka Tshepo Mokoena. A se ke ntlha
kgotsa kakanyo. Tshegetsa ka lebaka.
(2)
1.1.9
Tlhopha karabo e e maleba.
Metshameko ya Diolimpiki e nna teng morago ga dingwaga di le
kae?
A
B
C
D
Kwalololo e ileditswe
Thataro
Lesomeleborobedi
Nne
Robedi
(1)
Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1
1.2
5
NSC
DBE/Ngwanaitseele 2013
Sekaseka setshwantsho se se latelang mme morago o arabe dipotso.
TEMANA B
[Lesedi, KL Lethoko le TL Khimbili le New Age]
1.2.1
Go buiwa ka eng mo setshwantshong?
(2)
1.2.2
Ke bomang ba ba kopang go thusiwa?
(1)
1.2.3
Naya leina la mokgatlho o o dirang ka diphologolo.
(1)
1.2.4
A diphologolo tse di tlhagelelang mo setshwantshong di kotsi
('dangerous') kgotsa bokgwabo ('tame'). Tshegetsa ka lebaka.
(2)
1.2.5
Ditlamorago tsa se se diragalang mo setshwantshong e tlile go nna
dife mo nakong e e tlang?
(2)
1.2.6
Botlhokwa jwa go nna le diphologolo tse mo nageng ya rona ke
bofe?
(2)
1.2.7
Fa o lebile o ka re ke eng se se tlhotlheletsang tiragalo e e mo
setshwantshong?
(2)
1.2.8
O ka naya ba mokgatlho wa Rhino SA kgakololo efe mabapi le
tshireletsego ya diphologolo tse?
(2)
Kwalololo e ileditswe
Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1
1.2.9
6
NSC
DBE/Ngwanaitseele 2013
Tlhopha karabo e e maleba.
Rhinoceros ka Setswana ke:
A
B
C
D
Phala
Tshukudu
Thutlwa
Noko
(1)
[30]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA A:
Kwalololo e ileditswe
Phetla
30
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1
7
NSC
DBE/Ngwanaitseele 2013
KAROLO YA B: TSHOSOBANYO
POTSO 2
Buisa temana e e latelang (TEMANA C) mme morago o kwale tshosobanyo ka go
ntsha dintlha di le SUPA tsa botlhokwa ka tsela/mokgwa wa Setswana wa go nyala
mosadi.
DITAELO
1.
Kwala dipolelo tse di nang le dintlha di le SUPA mme mafoko a gago a se ke
a feta masomeasupa (70).
2.
Dinomoro tsa dipolelo di kwalwe go simolola ka 1–7.
3.
Kwala ntlha e le NNGWE mo polelong.
4.
Kwala ka mafoko a gago.
5.
Kwala palogotlhe ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa
tshosobanyo.
TEMANA C
TSELA/MOKGWA WA SETSWANA WA GO NYALA MOSADI
Go tloga bogologolo, lenyalo tota e ntse e le sengwe se se rerwang ke bagolo ba
malapa a le mabedi e leng ba kwa gaabo mosetsana le mosimane. Ga le simologe fa
batho ba babedi ba kopana. Mosimane a ka sebela bagolo ba gagwe gore o bone golo
gongwe mme bone ba simolola go keleka mekgwa ya lelapa ka iketlo. Fa bagolo ba ka
dumela gore a ka ipofa ka kgole ya lenyalo kwa lelapeng leo, go iwa kwa gaabo
mosetsana mme ba beeletse mosetsana. Ga se bagolo ba mosimane ba ba ikisang ka
sebele. Go rongwa ba losika ba ba maleba go isa lefoko le gona go ipega. Fa boorramosimane ba se na go ya go ipega kwa go boorramosetsana, go rerisanwa ka
tsamaiso ya lenyalo jaanong. Go dumelanwa ka letlha la patlo le bogadi.
Ka letsatsi le go dumelanweng ka lona, borre ba tsoga ka makuku mme ba thibe
dikgomo tsa bogadi ka boitumelo go di isa kwa goorramosetsana. Dikgomo tsa bogadi
ga di a tshwanela go tlhotsa, go nna mothulo e bile di etelelwa pele ke kgomo e
malome a e tshwaetseng mosimane. Kgomo e, e tshwanetse go farologana le tse
dingwe ka seemo. Fa borre ba di thiba jaana, ba eta ba di boka ba di leletse
mogolokwane mo lefitshwaneng. Ba tla goroga jalo kwa goorramosetsana mme ba
fitlhele ba baakanyeditswe sengwe le sengwe. Ba kwa goorramosetsana ba ba
amogele ka diatla tsoopedi. Fa borre ba fulara, bomme ba simolola tiro ya bone ya go
batla. Ba dira se ka molao le thulaganyo e e masisi. Ngwetsi e laiwa ke bomme ba ba
bothologileng go tla tsamaisong e.
[Lesedi, KL Lethoko le TL Khimbili]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA B:
Kwalololo e ileditswe
Phetla
10
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1
8
NSC
DBE/Ngwanaitseele 2013
KAROLO YA C: TIRISO YA PUO
POTSO 3
Sekaseka phasalatso e e latelang mme morago o arabe dipotso.
TEMANA D
APARELA KATLEGO
Dingwaga tse di fetang masomeamane (40) Student
Prince e ntse e rekisa diaparo tsa sekolo tse di tlhotlhwa e
bile di le thata, ga di senyege fela, ga di gogege, ga di
gagamale, di nna di galalela le fa di tlhatswiwa nako le
nako di be di bewa mo letsatsing.
[Bona Magazine: Tlhakole 2012]
3.1
Ke lebenkele lefe le le dirileng phasalatso e e fa godimo?
(1)
3.2
Leina, sekolo, le dirisitswe jang mo temaneng e e fa godimo?
(2)
3.3
Supa go tswa mo phasalatsong gore lebenkele le, ke la bogologolo.
(2)
3.4
Ke mafoko afe a a netefatsang gore diaparo tse di mo phasalatsong ke tsa
boleng jo bo kwa godimo?
(2)
3.5
A o ka itumela fa motsadi a ka tla a go reketse diaparo tsa sekolo go tswa mo
lebenkeleng le?
(2)
Kwalololo e ileditswe
Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1
3.6
9
NSC
DBE/Ngwanaitseele 2013
Tlhopha karabo e e maleba.
Rekisa ke:
A
B
C
D
Lediredi
Ledirisi
Ledirani
Lediregi
(1)
[10]
POTSO 4
Sekaseka khathunu e e latelang mme morago o arabe dipotso.
TEMANA E
[Setswana Tota, GP Segone le ba bangwe]
4.1
Ke eng se se bontshang gore modumo wa radio o kwa godimo thata mo
setshwantshong sa 2?
(1)
4.2
Batho ba ba mo setshwantshong sa 1 ba supa maikutlo a a ntseng jang?
Tshegetsa karabo ya gago.
(2)
4.3
Tiragalo e e mo khathunung e diragalela kwa kae? Tshegetsa karabo ya
gago.
(2)
Kwalololo e ileditswe
Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1
10
NSC
DBE/Ngwanaitseele 2013
4.4
Ke didiriswa dife tsa tlhaeletsano tse di tlhagelelang mo setshwantshong
sa 3?
(2)
4.5
Dirisa leina Moruti mo polelong e o e itlhametseng jaaka sediri.
(2)
4.6
Tlhopha karabo e e maleba.
Lefoko rona ke:
A
B
C
D
Leemeditota
Leemeditho
Leina
Letlhophi
(1)
[10]
POTSO 5
5.1
Buisa temana e e latelang mme morago o arabe dipotso.
TEMANA F
Go tla bo go le kwa phitlhong go be go twe ditlogolwana di tle go buisa
dikgare. Ijonaa! Fao gona o fitlhele e kete o ka re lefatshe fatoga ke tsene!
Bana fela ba bantsho ba palelwa ke go buisa melaetsa ya Setswana kana
Sesotho mme fa go tla mo molaetseng wa Seesimane, ba se ntsha ka dinko
ba bo ba itire le makgoanyana ka go se dumisa. Ruri setšhaba sa ga Rantsho
se a gakgamatsa, le fa bokoko le borremogolo ba ba tlhokileng lesego la go
fitlha kwa dikolong tsa tšhomi ba le teng, e nna khwekhwente-khwekhwente
fela. Motho o ipotse gore a kwa meletlong ya basweu ba a tle ba leke go bua
dipuo tsa rona.
A o kile wa utlwa fa ngwana wa dingwaga di le tlhano a ka bua Seesimane e
le motswana gore o bogelwa jang? O fitlhele go ntse go twe: 'o botlhale jang
bathong, ke ngwana wa ga mang?' Ija! A go bua Seesimane go supa o le
botlhale?
Batsadi ba re solofetseng gore e nne bona ba ba rutang bana setso le puo, o
fitlhele e le bona ba ba buisang bana Seesimane. Fa baeng ba le gona, o
fitlhele e kete ba ile go newa maduo, ba omanya bana fa ba ka re ba araba ka
Setswana.
[Lesedi, KL Lethoko le TL Khimbili]
5.1.1
Dirisa lefoko ditlogolwana mo polelong e o e itlhametseng.
(2)
5.1.2
Naya lekaelagongwe la lefoko gakgamatsa o bo o le dirise mo
polelong e o e itlhametseng.
(2)
5.1.3
Dirisa lefoko fitlha mo polelong go supa bokao jo bo farologaneng
le jwa temana.
(2)
Kwalololo e ileditswe
Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1
5.1.4
11
NSC
DBE/Ngwanaitseele 2013
Kwala polelo e e latelang mo pakapheting.
Bana ba bantsho ba palelwa ke go buisa melaetsa ya Setswana.
5.1.5
Naya mofuta wa letlhalosi le le thaletsweng ka fa tlase.
Go tla bo go le kwa phitlhong.
5.1.6
(1)
Naya maina a dikarolopuo tse di thaletsweng.
(a) Motho o ipotse gore a kwa meletlong ya basweu ba a tle ba
leke go bua dipuo tsa rona.
(b) A o kile wa utlwa ngwana wa dingwaga di le tlhano a bua
Seesimane?
5.1.7
(1)
(1)
Mabotsi a a latelang a dirisiwa fa go batlwa go itsewe eng?
(a) Mang?
(b) Jang?
5.1.8
(2)
(1)
(1)
Tlhopha karabo e e maleba.
Lefatshe fatoga ke tsene ke sekapuo sa:
A
B
C
D
5.2
Tshotlo
Kaediso
Kemedi
Mothofatso
(1)
Sekaseka setshwantsho se se latelang mme morago o arabe dipotso.
TEMANA G
Tlogang fa, ga ke tshameke! Tlogelang
lenyatso!
Nkolotis
a tuu!
[http://picture-book.com/taxonomy/term/2228]
Kwalololo e ileditswe
Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1
5.2.1
12
NSC
DBE/Ngwanaitseele 2013
Kwala polelo e e latelang mo kganetsong.
Tlogang fa!
(2)
5.2.2
Dirisa lelatlhelwa 'tuu!' mo polelong e o e itlhametseng.
(2)
5.2.3
Naya mofuta wa modiriso o o tlhagelelang mo polelong e e
latelang.
Tlogelang lenyatso!
(2)
[20]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA C:
PALOGOTLHE:
Kwalololo e ileditswe
40
80
1/--pages
Пожаловаться на содержимое документа