close

Вход

Log in using OpenID

embedDownload
NATIONAL
SENIOR CERTIFICATE
MOPHATO 12
SETSWANA PUO YA GAE (HL)
PAMPIRI YA NTLHA (P1)
TLHAKOLE/MOPITLWE 2014
MADUO: 70
NAKO: 2 diura
Pampiri e, e na le ditsebe di le 11.
Kwalololo e ileditswe
Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1
2
NSC
DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
DITAELO
1.
Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO.
KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo
KAROLO YA B: Tshosobanyo
KAROLO YA C: Tiriso ya puo
(30)
(10)
(30)
2.
Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko.
3.
Araba dipotso TSOTLHE.
4.
Simolola karolo e NNGWE le e NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA.
5.
Thala mola morago ga karolo e NNGWE le e NNGWE.
6.
Dinomoro tsa dikarabo di tlhagelele jaaka di ntse mo pampiring ya dipotso.
7.
Tlogela mola mo magareng a dikarabo tsa gago.
8.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
9.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Kwalololo e ileditswe
Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1
3
NSC
DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO
POTSO 1
1.1
Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso.
Ka Lamatlhatso fa ke ne ke ile go jela ba bogadi nala, monna wa me wa
boikanyego, a sala a adima baagisane selepe; ntekwane ba tlaa nna
botlhaswa ba se remisa matlapa.
'Kgang e nngwe fela, ke lebaganwe ke loso. Nna tota ke katlholo e e
ntshiametseng. Ke bolailwe ke megagaru ya me. Pelo ya me e rotha kgodu e
khubidu fa ke akanya gore o tlaa nna motlholagadi yo ke mo itlholetseng go
sa tlhokege, e se ka fa thatong ya Mmopi'.
'Naare o bua eng? Loso lo tsena jang mo kgannyeng ya rona? Le gona ke
fetoga motlholagadi jang o ntse o tshela'? Tebego ya matlho a gagwe ya
senola kgang yotlhe. 'Ga o a gobala mo re ka buang ka loso. Fa fela go ka
ntshiwa botlhole jo bo tsentsweng ke kolo mo tlhogong o tlaa fola. Kgotsa'?
'Ga o tlhaloganye. Go kaiwa fa ke na le megare ya bolwetse jwa
Lebolelamading, ka jalo fa ke riana ke emetse motsi wa loso. Ga go sepe se
se ka dirwang go thibela se'. Ka mo atamela sentle ka ke ne ke ithaya ke re
ga ke a mo utlwa sentle.
'Wa reng? Lebolelamading'? Ka mo tlamparela ka ditsebe ka mo tlisa gaufi
thata le sefatlhego sa me. 'A ke go utlwa sentle! E tsene jang mo go wena'?
'Dingaka di kaya lekgarebe le le boneng kgobalo le lona le na le megare.
Diteko tsa madi di supa jalo'.
'O rata go nthaya o re wena le ausi Tsenang lo setse lo …' Se ke neng ke
rata go se bua sa felela mo dipounameng. Ka bona ngaka e ota tlhogo e
ntebile ka kutlobotlhoko. Mokwalo wa tlhagelela sentle mo loboteng. Ka tswa
ka mojako wa phaposi ya 7 ke rwele diatla mo tlhogong, mangole a retelelwa
ke go nthwala.
Ke ka bo ke dule ka mojako. Tlhaloso e ne e ka se nthuse ka sepe.
Mogaetsho dikgang di siame fa di anelwa ke mong wa tsona. Ka thanya mo
borokong nako e le masomeamararo morago ga ura ya bobedi mo mosong.
Ka sekamologa mo bolaong e kete ga ke akanye sentle fa ke sekame. Ka itse
go nna bolao ka marago.
'Matsapa, motho yo montle, ke kopa tetla ya go ya kwa gae go ya go lekola
gore ba ntse ba tshela jang'. Malomaago ka bo ke segetswe mo lefureng. Ka
mo rebola kwa ntle ga matsapa ape. Ke tlhokile fela one mogatla go o
emisetsa kwa godimo.
'A ke re wena ga o selepe'? Ra tswala puo ka setshego.
Ke ne ke gopotse mafoko a, fa ke ntse ke tlhobaela jaana.
Ka ikgatholosa bokao jwa ona. Go ne go se ka mokgwa o mongwe, nako e,
ke ne ke tshwanetse go e dirisa. A ke re lesego le tlela motho gangwe mo
botshelong? Kwa ntle ga go itsapa ka nanabela jaaka gopane wa moikapari,
ka tsaya mogala mo ditlhogong tsa bolao ka leletsa tsala ya me ya go tshega
le go tlhonama.
Kwalololo e ileditswe
Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1
4
NSC
DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
'O reng o nkgarola letswalo tsala? Go diragetse eng? A kgotsa go sengwe se
se phoso'?
'Tlogela go itira dišaše monna. Mo nakong ya diura di ka nna lesome go tloga
jaanong re tlaa bo re jela mo mogopong o mosweu'. Ka eletsa e kete a ka bo
a bona se se mo tlhaloganyong ya me. Tlhaloganyo le yona, lesilo. E ka tloga
ya ralala naga go sa re sepe. 'Tota o ntatlhegetse, ga ke tlhaloganye le e
seng, re jela mo mogopong o mosweu! Kae, jang le bomang'?
'Bana. Jaanong bona fa, ga go na nako ya dipotso. Re na le letsatsi leno la
Lamatlhatso le re tshwanetseng go le dirisa sentle. Mosadi wa me o ile gae,
mme ke esi mo ntlong. Ke rata gore fa a boa ka moso maitseboa, re bo re
supa fela ka monwana wa leoto. Dira gore o goroge fa ka ura ya borataro mo
mosong. Ga go tlhokege gore o robale, bosigo bo sele. Akanya ka ga kgang
e, re tle re e sekaseke mmogo'.
Ka baya mogala fa fatshe ka iketlo, ka sekama gape. Matlho a sala a lebile
lobone lo lo nkokameng e kete ke bona bontle jo bo mo kakanyong ya me mo
go lone.
Kgantele ka ema ka kailakaila le ntlo matlho a lebile dipone tse di tsabakelang
kwa mmileng. Ka tlhoka dithata tsa go tlhabisa letsatsi gore leano la me le
tsenngwe mo tirisong ka bonako jwa legadima.
'Koo … koo …'
'Ao, ke wena tsala! O tota o le mosimane wa phetakapejana. Tsena'. Ra
tsena mo ntlong ke mo phophotha legetla, fa o kile wa bona ramabole a
siamisetswa go tsena mo tikologong ya ntlha ya ntwa ke mokatisi wa gagwe.
'Jaaka ke kaile tsala, se boife, ke esi fa, ke nna ke letsang katara. Ka
bokhutshwane, ke rata fa re ka nna le pesonyana, ke raya pesonama'.
[A Ke Phoso, LJ Baloyi]
1.1.1
Naya leina la monna yo o leletsang tsala ya gagwe mogala.
(1)
1.1.2
Tlhopha karabo e e maleba. Kwala fela palo ya potso le tlhaka
(A–D).
'A ke re wena ga o selepe? Ra tswala puo ka setshego'. Potso e e
boditsweng mo polelong e ke mofuta ofe wa potso?
A
B
C
D
1.1.3
1.1.4
1.1.5
Kwalololo e ileditswe
Potso e e akanyetsang letlhakore le le lengwe.
Potso e e sa tlhokeng karabo.
Potso e e digelang.
Potso e e tlhotlheletsang.
(1)
Mafoko a: 'ke bolailwe ke megagaru ya me' go tswa mo temaneng
ya ntlha, a kaya eng ka ga semelo sa mmui?
(2)
Naya tlhaloso ya mafoko a a reng 'mokwalo wa tlhagelela mo
loboteng'.
(2)
Naya tiragalo e le NNGWE e e ka tswang e bakile tshwaetsego ya
monna yo go buiwang ka ena mo temaneng.
(1)
Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1
1.1.6
DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
A tlhagiso e e reng, 'mosadi yo a ka fetoga motlholagadi' ke ntlha
kgotsa kakanyo?
(2)
Fa o ne o ka lemoga gore molekane wa gago o tshwaeditswe ke
mogare, o ne o tlaa dira eng?
(2)
1.1.8
Go ya ka wena, a monna yo o a ikanyega?
(2)
1.1.9
Tlhagisa maikutlo a gago mabapi le selepe se se adimisanwang.
(2)
1.1.7
1.2
5
NSC
Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso.
Lebolelamading le kotsi, gonne le a
bolaya. Go fitlhelela ga jaana
bolwetse jo ga bo alafege. Nna le
wena re ka fenya mmolai yo.
[Segarona, EE Pooe le ba bangwe]
1.2.1
Tlhopha karabo e e maleba. Kwala fela palo ya potso le tlhaka
(A–D).
Setshwantsho se se fa godimo se kaya fa batho ba ba ka tswang
ba tshwaetsegile e le ba bogolo bofe?
A
B
C
D
1.2.2
1.2.3
Kwalololo e ileditswe
Bana
Bagolo
Bannabagolo
Bašwa
(1)
Bolwetse jo bo kaiwang mo setshwantshong bo ka tsena batho
jang? Naya dintlha di le THARO.
(3)
Tiro ya mosadi yo o emeng fa pele ga baithuti ke efe?
(1)
Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1
1.2.4
6
NSC
DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
Naya dilo di le PEDI tse o belaelang gore mosadi a ka tswa a
sedimosetsa baithuti ba ka tsona.
(2)
1.2.5
Ke molaetsa ofe o o tlhagisiwang ke temana le setshwantsho?
(2)
1.2.6
Ke eng se se ka dirwang go tila tshwaetsego ya Lebolelamading
mo bathong?
(2)
Ngaka e ka itshireletsa jang fa e alafa balwetse ba ba
tshwaeditsweng ke Lebolelamading? Naya dintlha di le PEDI.
(2)
Go ya ka wena, a motho a ka tshela nako e telele fa a na le twatsi
ya Lebolelamading?
(2)
PALOGOTLHE YA KAROLO YA A:
30
1.2.7
1.2.8
Kwalololo e ileditswe
Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1
7
NSC
DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
KAROLO YA B: TSHOSOBANYO
POTSO 2
Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko.
Sosobanya temana e e latelang o bontshe mosola wa kgomo fa e tlhabilwe.
ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang:
•
•
•
•
•
Sosobanya temana ka dintlha di le SUPA ka mafoko a gago a a ka nnang 90.
Kwala ka temana kgotsa dintlha.
Se ke wa naya tshosobanyo setlhogo.
Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng mo masakaneng kwa bokhutlong jwa
tshosobanyo.
O tlaa jelwa maduo fa o ikgatholosa ditaelo.
KGOMO MODIMO WA GAE
Kgomo ke pinagare mo botshelong jwa Motswana wa maloba, Motswana wa
lekgorokgoro. Motswana o ne a tswa nayo kwa ga Lowe. Ka Batswana e ne e le barui
ba kgomo, bonno jwa bona bo ne bo laolwa thata ke phulo le metsi mo botshelong jwa
bona. E ne e le bomorwalathoto ka metlha le dinako tsotlhe, ka ba ne ba batlela
dikgomo bojang le metsi.
Kgomo e botlhokwa mo botshelong jwa Motswana. E tshwaraganya masika go ya ka
merafe e e farologaneng, ke gore bogadi bo ntshiwa ka dikgomo, e seng ka madi jaaka
go dirwa gompieno. Mašwi a yona a ratiwa bobe ke botlhogoputswa le botshegaingate.
A ne a nowa e le kgatsele, a jewa e le madila. Bagolo ba ne ba nwa mogodungwana
ka ona fa bana ba ne ba ja bogobe ka ona. Letlalo la kgomo le dira diaparo, ditlhako le
dithari. Dinaka di dirisiwa jaaka mapatata, go bitsa mephato fa go na le pitso. Mo
dintshong tsa Batswana go ne go tlhabiwa kgomo e ntsho. Letlalo la yona le ne le
dirisiwa go phuthela setopo. Nama ya yona e ne e jewa jaaka mogoga; e le go
tlhoboga motho yo o biditsweng ke badimo.
Mo manyalong le mo meletlong ya Batswana, go ne go jewa nama ya kgomo, go
itumelwa. Fa badimo ba ribegile difatlhego, ba fularetse morafe le setšhaba, Batswana
ba ne ba ba abela kgomo, e bitswa kupe, go kopa maitshwarelo mo badimong. Banna
le basimane ba ne ba bolokelwa mo lesakeng la dikgomo, gore ba di tlhokomele le fa
ba sule.
Fa morafe o ne o lwa le o mongwe, morafe o o fenyang o ne o thopa dikgomo tsa o o
fentsweng. Ke ka moo merafe e neng e tlhabana ka thata, go sireletsa khumo le
botshelo jwa bona, e bong kgomo. Motswana o ne a dumela fa kgomo e le modimo wa
gagwe. O e bitsa 'modimo o o nko e metsi', ka gonne botshelo jwa Motswana botlhe bo
itshegeditse ka kgomo. Ke ka moo Motswana a dumelang gore, 'wa e tlhoka, wa tlhoka
boroko, wa nna nayo wa tlhoka boroko'.
[Ditharabololo tsa Botlhe, D Matjila le G Segone]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA B:
Kwalololo e ileditswe
Phetla
10
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1
8
NSC
DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
KAROLO YA C: TIRISO YA PUO
POTSO 3
Sekaseka papatso e e latelang, mme morago o arabe dipotso.
[Polelo ke lehumo, M Maja le ba bangwe]
3.1
Tlhopha karabo e e maleba. Kwala fela palo ya potso le tlhaka (A–D).
Go ya ka papatso, fa re talafatsa tikologo ya rona re tlaa …
A
B
C
D
tshela.
gakgamala.
huma.
kotula.
(1)
3.2
Faa mofuta o le MONGWE wa merogo go tswa mo papatsong e.
(1)
3.3
Papatso e e rotloetsa go talafadiwa ga mafelo afe?
(2)
3.4
Ke kgwedi efe e e beetsweng kwa thoko go nna ya jalo ya ditlhare mo nageng
ya rona?
(1)
Letshwao la tsibogo mo moleng o: 'Jala merogo mme o tshele!' le diriseditswe
eng?
(1)
Ke ka ntlha ya eng mafoko: 'Itumelele beke ya rona ya tikologo' a kwadilwe ka
ditlhaka tse di ntshofaditsweng?
(2)
3.5
3.6
3.7
A setshwantsho se, se takilwe kgotsa se tshwantshitswe?
Kwalololo e ileditswe
(2)
[10]
Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1
9
NSC
DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
POTSO 4
Sekaseka khathunu e e latelang, mme morago o arabe dipotso.
Fa re nyalana, re tlaa
kgaogana se sengwe
le se sengwe ka go
lekana!
Ga go ne go
nna le
komang-kanna!
A o na le
nnete gore
seo se tlaa
diragala!
Ka gonne ka
rialo!
[Cartoon English, HS Houghton-Hawkskley]
4.1
Tlhopha karabo e e maleba. Kwala fela palo ya potso le tlhaka (A–D).
O ikaegile ka papetlana ya 3, sefatlhego sa motho yo o reng: 'Ka gonne ka
rialo!', se supa …
A
B
C
D
4.2
boitumelo.
tšhakgalo.
kutlobotlhoko.
lorato.
(1)
Nopola polelo e e senolang puo e e nang le lenyatso go tswa mo papetlaneng
ya 2.
(1)
4.3
A puisano e e mo khathunung e supa tekatekano jaaka lekgarebe le bua?
(2)
4.4
Go ya ka wena, a lekgarebe le lekau la lona ba ka nyalana?
(2)
4.5
Khathunu e, e senola maikutlo a a ntseng jang mo go wena?
(2)
4.6
Naya tlhaloso ya tlhagiso e e reng 'Ga go ne go nna le komang-ka-nna!' jaaka
e dirisitswe mo papetlaneng ya 2.
Kwalololo e ileditswe
Phetla
(2)
[10]
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1
10
NSC
DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
POTSO 5
Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso.
MmaMorongwe, kokoagwe Mogami, o ne a ikgoga go ya go nna le bona mo
phaposing. 'Mogami, ngwanaka, a ko o ntebe ke go lebe mo leseding. Ao, dumela rra!
Mogami, ntlhang ga o ntheye o re o tlile le moeng'? Motesela o ne a tlogela go
dumedisa mosadimogolo ka letsogo a bo a ipolela gore ena ke mang, ke morwa wa ga
mang, kae.
O ne a gakgamala go utlwa mosadimogolo a itse borraagwemogolo, mmelega rraagwe
kwa GaMosetlha. Mogami ga a ka a arabela potso ya ga kokoagwe. 'Mosadimogolo, o
a reng o re tshosa ka go tla go bona difatlhego tsa rona mo leseding e kete o motho a
laela'? Motesela a botsa ka maikaelelo a go kopa mosadimogolo go se tshware
ngwanangwanaagwe ka dikgaba. Ditsebe ga di lebale e bile ga di gakiwe jaaka
matlho.
Ke sa le ke utlwa ka ditsebe gore motho yo o tsenang ka fa go nna yo ke Mogami mme
matlho a me a mo lebetse ka ke dingwaga di ka nna pedi a sa tle gae go ntlhola.
Mogami o ne a ntse a ribegile sefatlhego mme se ne sa batla se kgoma lefatshe fa a
utlwa mosadimogolo a mo anega jaaka morogo wa nawa mo letsatsing. Ntsiana
Mogami le go tla gae ga o tle. E le gore wena o ya kae fa dikolo di tswalelwa? … kwa
ditsaleng tsa mokaragana? Mogami o ne a tlhokela dipotso tsotlhe dikarabo. Sa gagwe
e ne e le go šena meno jaaka ntšwa e iteelwa go ja mae. Ka molomo a didimetse, fela
mo pelong o ne a ikotlhaela go ithabuetsa mo botshelong jwa dikolobe.
'Banaka lo nkutlwe, mekgwa e e maswe, jaaka bolwetse, e ikepela bonolo mo
bathong, fela e thata go tswa'.
[Mosekaphofu, JE Setshedi]
5.1
Kwalolola polelo e e latelang mme o dirise leemedi mo boemong jwa leina.
Ditsebe ga di lebale e bile ga di gakiwe.
5.2
5.3
5.4
5.5
(1)
Siamisa matshwao a puo mo polelong e e latelang:
Ntsiana Mogami le go tla gae ga o tle.
(2)
Go tswa mo temaneng ya bobedi, naya sekao sa leinatswako le le bopilweng
ka leina + lerui + letlhaodi.
(1)
Dirisa lefoko 'bathong' mo polelong ka tiriso e e farologaneng le e e mo
temaneng.
(2)
Fetolela polelo e e latelang go nna mo pakafetilengpheti.
'Ka molomo a didimetse …'
Kwalololo e ileditswe
(1)
Phetla
Setswana Puo ya Gae (HL)/P1
5.6
11
NSC
DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
Lediri mo polelong e e latelang, le dirisitswe mo tirisong ya ka metlha. Le
dirise gape mo tirisong ya papiso.
Mogami o ne a ntse a ribegile sefatlhego.
5.7
(2)
Fetolela polelo e go nna polelo ya modirisokgonego.
Mogami o ne a tlhokela dipotso tsotlhe dikarabo.
PALOGOTLHE YA KAROLO YA C:
PALOGOTLHE:
Kwalololo e ileditswe
(1)
[10]
30
70
1/--pages
Пожаловаться на содержимое документа